Soil 2											Setswana 

Tekelelo ya taolo ya katisegelo ya mmu 

Instructions: 

Folio strap: Mmu

Byline: Kgannyana e tla ka montshakuno wa maloba

Caption: 	

Setshwantsho 1: Setlhatlhobi sa katisegelo ya mmu se tlaa go naya lesedinyana la gore go diragalang mo mmung



Mo kgannyaneng e e mo tsebeng ya 5 go ya 8 re tlhalositse katisegelo ya mmu le gore e diragala jang. Kgannyana e e tlaa tlhalosa gore setlhatlhobi sa katisegelo ya mmu se dira jang le gore o ka laola jang katisegelo ya mmu.



Go dirisa ditlhatlhobi tsa katisegelo







Setshwantsho 1













Setlhatlhobi sa katisegelo ya mmu se tlaa fa lesedinyana la gore go diragalang mo mmung fela ka sengwe le sengwe fela sa didiriso le mekgwa e le mmalwa se se dirisiwang go baya katisegelo ya mmu leitlho. Mosola wa sediriswa se ke gore masimo a ka tlhatlhobiwa ka kwa ntle ga setlhakgolo sa rona botlhofo. Fa dimela di ka lemogwa di na le bothata jwa pholo go sekasekwa ka bonako gore a bothata ke katisegelo ya mmu kgotsa nnyaya. Gape, nako e e siameng go dirisa setlhatlhobi sa katisegelo ya mmu ke fa seemo sa bongola sa tshimo yotlhe se lekanetse mo tshimong. Maemo a a omileng thata kgotsa a kgobotlega ga a ne a ntsha dipalelo tse di ikanyegang.

Setlhatlhobi se dirwa ke khounu ya tshipi e e tshekeletsa ya dikerii tse 30 ka šafote ya kgweetso le selekanyi sa kgatelelo. Go tlamelwa gape ka dikhounu tsa mebu e e boruma le e e thata. Dintlhana tse di dirilwe ka tsela ya go etsa medi ya semela e e golang go tsamaya le mmu. Sediriswa se go naya dipalelo ka dikhilopasekale se se lekanyang kemelano ya tsenelelo mo mmung. Dipalelo tse di ka go naya sekao sa tshukagano tsa katisegelo tse di farologaneng mo dilekanyong tse di farologaneng mo porofaeleng ya mmu. Dipalelo tse di ka dirisiwang go kala polase yotlhe kgotsa tshimo ya senthaphaefote go kgontsha go lekanya bothata jwa katisegelo ya mmu jo bo ka nnang teng mo kgaolong e tona.



Go laola katisegelo ya mmu

Ditharabololo dingwe go laola katisegelo ya mmu di sobokantswe fa tlase: 

Fokotsa tshugo ka kakanyo ya go ya kwa tshugong ya tshomarelo go akaretsa le tshugo e nnye.

Tsenya diterekere le didiriso kgotsa didiriso tse di itsamaisang fela mo masimong fa selekano sa bongola se le mo seemong se se lekaneng. Seemo sa bongola jwa mmu se ka tlholwa pele tshugo e simologa ka go tsaya sekaommu go tswa botennye jwa 15 cm mo mmugodimong. Leka go se dira kgolokwe. Fa se bopagana bonolo le go lotagana, go metsi thata. Fa se fafarega sentle, go omile go ka dira tshugo le pharakano e ntsi.

Fokotsa tiriso ya megoma ya dikara thatathata.

Emisetsa temelo e e boteng ya megoma ya dikara ka didiriso tse di meno gore o kgone go repela kwa teng kgotsa o diragatse tshugo ya kobelo ya dirite.

5.	Fa o ngapela kwa teng thata dirisa sediriso sa meno se se sa tshwenyeng boalogodimo jwa mmu, mme se se thubang pane efe le efe ya boteng jwa magareng ga 25 le 45 cm mo mmung. 

6.	Go jalwa ka thaene e e ngapang e e sa tshwenyeng boalogodimo jwa mmu fela e netefatsa gore katisegelo efe kana efe e e tlhodilweng ke dipula tse di maatla, kgotsa pharakano e e bokete, e thubega ka fa tlase kgotsa gaufi le mola o o jetsweng. Netefatsa gore peo e jalelwa ka fa letlhakoreng lengwe la monontsha le la mola o o ngapilweng.

7. 	Dirisa ngapo e e metsi (wet ripping) magareng ga mela ya dijalo tse di jetsweng ke mola morago ga go jala, go thuba katisegelo ya boalogodimo, go tsenya mowa mo mmung le go letla pula efe le efe e e tlang, go tsenelela mo mmung.

8. 	Go botlhokwa go akaretsa dijalo tsa dithulaganyo tsa medi e e farologaneng mo thulaganyong efe le efe ya thefosanyodijalo e e tlaa thusang go thuba kgotsa go fetola tshukagano ya porofaele ya mmu mo thefosanyong ya korong, disonobolomo, mmidi le dinawa tsa soya, di tlaa thusa mo phokotsong ya tlhamego ya dipane mo porofaeleng ya mmu. Dimela tsa mohuta wa bojang ka kanamo ya medi e e lekalekanang di refosanngwa le dijalo tsa moditona. Habore le dijalo tsa “tricale” tse di nang le dithulaganyo tsa medi tse di nonofileng di ka akarediwa go tokafatsa katisegelo le go tokafatsa menolommu ka nako e le nngwe mo dithulaganyong tsa montshakuno yo o sa batleng go jala mafulo a leruri. Temodijalo gape e ka refosanngwa le dijalo tsa mafulo dingwaga tse pedi go ya go tse tharo go ikhutsisa mmu go senngwa ke metšhine. Thobo ya dijalo gantsi di a tokafala fa di jalwa mo modikong gape.

9.	Fetogela kwa go seteleng ga diterekere le didiriso tsa bophara jo bo feletseng le jo bo lekantsweng jwa maotwana le didiriso gore go tle go diragadiwe thulaganyo ya taolo ya pharakano mo tirong ya temothuo yotlhe. Fa diterekere di tsamaya mo metlhaleng e e setseng e katisegetse maatla a a tlhokegang a a fokotsega mme go fitlhelelwa tiriso e e siameng ya disele. Dikgaolo le mela eo go jetsweng dimela teng ga di ne di katisegela mo setlheng seno. Masimo le ona a ka fitlhelelwa bonolo morago ga dipula tse di maatla ka go dirisa metlhala ya maotwana e e setseng e le teng.

10. Simolola go dirisa matlhale a temothuo ya tshomarelo ka go fokotsa ditiro tsa tshugo mme o ye kwa go oketseng dibodi mo mmung ka fa o ka kgonang ka teng mo dingwageng tse tharo go ya go tse nne tse di tlang.





